Skip to main content

Charter for Compassion in Translation

Tswana Translation

Boitlamo ka ga Kutlwelobotlhoko

Motheo wa of compassion o ikaegile mo boteng jwa ditso tsotlhe tsa tumelo, ngwao le tsa semowa, di re susumetsang ka metlha go tshola batho ba bangwe ka moo le rona re eletsang go ka tsholwa. Kutlwelobotlhoko e re kgarameletsa go dira ka botswapelo go efosa tshotlego ya dibopiwa mmogo le rona, go itshutisa go bogareng jwa maemo a rona mme re tlhome yo mongwe moo, le go tlotla serodumo se se sa phimogeng sa motho yo mongwe le yo mongwe, go tshola botlhe,ntle le kgethololo, ka toka e tsepameng, go lekana le tlotlo.

Gape go botlhokwa mo botshelong jwa phatlalatsa le jwa sephiri go tila ka tlhomamo le ka tiisetso go utlwisa botlhoko.Go dira le go bua ka bogagapa go tswa go letlhoyo, borokgotli, kgotsa bopelo-tshetlha, go humanegisa, go dirisa botlhaswa kgotsa go kganela ditshanelo tsa botho go ope,le go kgotlhetsa letlhoyo ka go nyenyefatsa ba bangwe~le bone baba ba rona~ke kganelo ya Botho jwa rona jwa gale. Re amogela gore re reteletswe go tshela ka kutlwelobotlhoko mme le gore bangwe ba atolositse bogolo jwa tshotlego ya batho ka leina la bodumedi.

Ka moo re ikuela go borre le bomme botlhe ~ go tlhoma sesha kutlwelobotlhoko go bogare jwa dingwao le bodumedi ~ go boela go motheo wa bogologolo o reng tlhaloso ya dikwalo yeo e tsalang bogagapa,letlhoyo kgotsa go nyatsa e le e sa letlelelwang ~ go netefatsa gore basha ba neelwa tshedimosetso e nepagetseng le e nang le serodumo ka ga ditso tse di ngwe, ditumelo le dingwao ~ go rotloetsa kanaanelo e siameng ya pharologanyo ya dingwao le sedumedi ~ go aga botho jo bo tlhomameng go pogisego ya batho botlhe ~le go ba ba kaiwang jaaka baba.

Re tshwanela ka potlako go dira bopelotlhomogi thata e tlhamaletseng, e phatsimang le e tshelang tota mo lefatsheng la rona le le tlhoboganeng.E tsepame mo tlhomamong go fenya bopelotshetlha,kutlwelobotlhoko e ka kgona go phutlhamisa melelwane ya sepolotiki, sedumedi, tshekamotumelo le ya sedumedi. E tlholega go kgokagano ya rona e boteng, kutlwelobotlhoko e botlhokwa go dikgolagano tsa batho le go fitlhela botho jo bo phethagetseng.Ke tsela e isang tshenolong, le go nna ya leruri go kago ya moruo o siameng le boagi jwa lefatshe pharephare jwa kagiso.

 


 

←  Go back                                                  Next page

MENU CLOSE